Temothuo ka Kolobe mo Aforika Borwa

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Tlelaemete mo lefatsheng e nna ye e bollo le ya go omelela le temothuo e ka fa tlase ga kgatelelo ya go ntsha dijo tsa dikotla le theko ye e kwa tlase kwa palong ya Lefatshe ye e golang. Le fa go le jalo, "lefatshe le le tlhabologileng" le latlha nngwetharong ya dijo tse di jwalwa go jewa ke batho, fa dinaga di le dintsi di sa ntse di tlhoka thuso ya poroteine ye e kwa tlase go tlamela ka motseletsele o o tletseng wa diamino asete tseo di leng botlhokwa mo dijong tsa batho.
Intaseteri ya nama ya lefatshe e fetogela jaaka setlamorago sa tlhago e bile e ntsha motseletsele wa diporoteine go tlatsa ditlhokego tse kgolo tsa baagi ba didiriswa tse di bokoa.

Metswedi ye Kgolo ya Nama ya Lefatshe

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Palogotlhe ya tlhagiso ya nama ya lefatshe e kwadilwe ka boikanyego go begwa ke Mokgatlho wa Dijo le Bolemirui wa Ditšhaba tse di Kopaneng (FAO). Ka 2017 palogotlhe ya ditone tse dimilione di le 350 ya poroteine ya nama e jelwe. Dinama tsa lefatshe tse di ratwang thata go ya tatelano ya tlhagiso di ne di le (ditono tse dimilione) e ne e le: nama ya kolobe (112), dikoko (107), dikgomo (88), dinku, dipodi, dimpšhe le ditshedi tse di mmalwa tse di tsongwang kgotsa tse di diswang tse di akaretsang kwalata, kgama, katse ya naga le kolobe ya naga, phudufudu, nare le nare ya Seaforika le khankaruwa.
Motswedi o mongwe wa poroteine mo dijong tsa batho ke dijo tsa lewatle. Seno se akaretsa tlhapi, tse jaaka makakaiye, dikatšo tse di abang palogotlhe ya dimilione tse 170 tsa poroteine ya phologolo.
Dithlopa tse dingwe tsa dijo tse di jaaka merogo, maungo, disalate tse di tala, dithamane, diako, mašwi, mae, tšhese le dibopiwa tsa tlhago ka setegeniki go tswa dilaboratoring (tseno di ka nna batshameki ba botlhokwa mo dingwageng tse di tlang) di na le seabe se se botlhokwa thata mo go tlameleng ka dijo tse dingwe: Dikhabohaetereite jaaka metswedi ya maatla, tlhale, dimenerala, dibithamine le metsi a a phepa le gantsi poroteine e nnngwe.

Go Jewa ga Nama mo Aforika Borwa

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Go rilwe mo Aforika Borwa (SA) e na le go feta 15% ya lefatshe la temo le topo e e oketsegileng ya ditlhoko tsa dijo tsa batho le diphologolo ka bokana jwa kuno bo bo kwa godimo.
Go aba poroteine ya boleng jo bo siameng go batho ba le dimilione di le 55, dikolobe le dikgogo di a lemaruwa ka katlego mo "difaboriking tsa polase" mo Aforika Borwa, mme ke fela 0.5 ya nama ya kolobe ye e ntshiwang mo Aforika Borwa.
Aforika Borwa e ja ditone tse ka nnang 200 000 ya nama ya kolobe (e e foreše le e e dirilweng) ka ngwaga. Kuno ya rona ke ya palogotlhe ya ditone tse 182 000 (2.6 ya dimilione tsa dikolobe tse di tlhabilweng ka palogare ya mmele wa boima ba 70 kg) mme re dira thekontle ya ditone tse 25 000. Seno se emela fela ka fa tlase ga dikilogerama tse 4 ka motho ngwaga mongwe le mongwe go feta baagi ba Seaforika bao e seng Mamuslim mme e e seng botlhokwa go bapisiwa le batho ba ba kwa Asia, Yuropa Bophirima le Amerika Bokone.
Dinaga tsa thekontle di akaretsa Jeremane, Fora, Spain, Canada, Brazil le kwa Amerika. Ya go gatsetswa le segolo setona tsa go segwa jaaka dikgopo tsa go bewa di dira go fitlha 60% ya diromelwante. Aforika Borwa e romelantle bontsi jwa nama ya kolobe Namibia, Mauritius le Mozambique.
Makga a lesome dikgogo go feta nama ya kolobe e e jewang mo Aforika Borwa ka tlhotlhwa e e tshwanang ka kilogerama e e supang kgono ya maraka dikumo tsa kolobe tse di foreše kgotsa tse di dirilweng.

Intaseteri ya Dikolobe mo Aforika Borwa

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Intaseteri ya dikolobe mo Aforika Borwa e na le makala a mararo a magolo.
Ntshokuno ya boanamo ba segompieno, e e dirang sentle, e e tseneletseng ya diyuniti tse di magareng ga 600 le 5 000 ya dikolojana. Go na le mokgwa wa go dirisa diyuniti tsa temothuo "e ya godimo kgotsa tswaa". Mesola ya diikonomi tsa sekale e diriswa go ditshenyegelo tsa ditsenngwateng le thekiso.
Bantshakuno ba bagwebi ba bogareng le ba bannye ba mo Aforika Borwa ba nna mmalwa mme ntle le gore ba fitlhele thekiso ya boiketlo kgotsa go nna le lotseno le lengwe, di mo kotsing ka ditshenyegelo tse di tlhatlogang tsa furu ya tekatekano e e bopang go fitlha 75% ga ditshenyegelo tsa tsamaiso mo themothuong ya dikolobe.
Diketekete tsa balemirui ba bannye ba dikolobe ka ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa matlo le furu. Go na le thotloetso ye e nnye ya bona go aga matlo le go reka furu ya tekatekanyo ka ge ba se na pabalesego ya leruri. Ka maribogo a tsa go latlhwa le furu ye e senyegileng (gantsi ka poroteine e e kwa tlase), le fa go ntse jalo ga di sa dira kabelo ye e botlhokwa ya madi mo ditšhelete tsa malapa a bona.

©Dr Jim Robinson
Gape go na le phesente ya balemirui ba kolobe ba kgethegileng ba ba tlhomang mogopolo mo katlaatleloloago ya kolobe le kumo ya tlhago kgotsa ye e itsamaelang fela ka bolokologi le maemo a yona ga a tshwanela go gwetlha.

Translated by Lawrence Ndou